Luke 21

Seabe sa motlholagadi

1Mme ya re a ema mo Tempeleng a bo a lebeletse bahumi thata fa ba tsenya dineo tsa bone mo letloleng.

2Mme mohumanegi wa motlholagadi a tla a latlhela dithebe di le pedi.

3Mme Jesu a re, “Ammaaruri motlholagadi yo wa mohumanegi o ntshitse mo go tona go gaisa ga ba ba ntshitseng gotlhe go kopantswe. 4Gonne ba ntshitse bonnye jwa se ba sa se tlhokeng, mme ene ka fa khumanegong ya gagwe o ntshitse gotlhe mo o neng a na le gone.”

Sekai sa metlha ya bofelo

5Bangwe ba barutwa ba gagwe ba simolola go bua kaga bontle jwa maje a a kgabisitseng Tempele le mekgabisa ya segopotso mo dipoteng.

6Mme Jesu a re, “Lobaka lo e tla lo dilo tse tsotlhe tse di lo kgatlhang di tlaa digelwang fa fatshe, mme ga go leje lepe le le tlaa tlogelwang le tlhatlaganye le le lengwe; gotlhe go tlaa nna mokoa o le mongwe fela wa matlakala.”

7Mme ba goa ba re, “Morena! mo go tlaa diragala leng? A go tlaa nna le tlhagiso nngwe pele ga nako ya go diragala?”

8Mme a fetola a re, “Lo se lese ope go lo timetsa. Gonne ba le bantsi ba tlaa tla ba ipolela fa e le bo-Mesia, ba re, ‘Nako e gorogile’ mme lo se ka lwa ba dumela!”

9“Mme e re fa lo utlwela dintwa le dipheretlhego di simologa, lo se ka lwa tshoga. Dintwa tsa boammaaruri di tshwanetse go tla mme bokhutlo ga bo kitla bo tla ka bonako, 10gonne chaba e tlaa tsogologela chaba e nngwe le bogosi bo tlaa tsogologela jo bongwe, 11mme go tlaa nna dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe le mauba mo mafatsheng a le mantsi, le maroborobo le dipoitshego tse di diregang mo magodimong.

12“Mme pele ga mo gotlhe go diragala; go tlaa nna le paka ya dipogiso, lo tlaa gogelwa mo disenagogeng mo dikgolegelong le fa pele ga dikgosi le balaodi ka ntlha ya Leina la Me.

13“Mme ka ntlha ya gone moo, Mesia o tlaa itsege ka bophara a bo a tlotlwa. 14Jalo, lo se tshwenyege ka gore lo tlaa ikarabela jang, 15gonne ke tlaa lo naya mafoko a a tshwanetseng le botlhale mo e leng gore baganetsi ba lona ga ba kitla ba lo fetola! 16Le e leng ba ga lona tota, batsadi ba lona, bomorwa-rraalona, ba lo tsalwang nabo ditsala tsa lona di tlaa lo oka gore lo tshwarwe; mme bangwe ba lona ba tlaa bolawa.

17“Mme batho botlhe ba tlaa lo ila ka ntlha ya gore lo ba me e bile lo bidiwa ka Leina la Me. 18Mme le fa e le thiri ya tlhogo ya lona ga e kitla e nyelela! 19Gonne fa lo eme ka tlhomamo, lo tlaa boloka mewa ya lona.

20“Mme fa lo bona Jerusalema a dikaganyeditswe ke dintwa, ke gone lo tlaa itseng gore nako ya tshenyego e gorogile. 21Hong lesang batho ba Judea ba tshabele kwa dithabeng. Lesang ba ba mo Jerusalema ba leke go falola, mme ba ba kwa ntle ga motse ba se ka ba leka go boa. 22Gonne ao e tlaa bo e le malatsi a katlholo ya Modimo, le mafoko a dikwalo tsa bogologolo a a kwadilweng ke baporofiti a tlaa diragala ka botlalo.

23“Mme a bo go tlaa latlhega bomme ba baimana mo malatsing ao, le ba ba nang le masea. Gonne go tlaa nna pitlagano e kgolo mo chabeng e le bogale mo bathong ba.

24“Ba tlaa bolawa polao e e setlhogo ka ditlha-bani tsa mmaba, kgotsa ba isiwe jaaka bafaladi le ditshwara mo dichabeng tsotlhe tsa lefatshe; mme Jerusalema o tlaa fenngwa a gatakwa ke Badi-chaba go fitlhelela nako ya phenyo ya Badi-chaba e khutla mo lobakeng lwa Modimo.

25“Mme go tlaa nna le ditiragalo tse di sa tlwaelesegang mo loaping, ditlhagiso le botlhodi jo bo maswe mo letsatsing, ngwedi le dinaledi, le mono lefatsheng dichaba di tlaa nna mo pheretlhegong le mo tlalelong e kgolo ka ntlha ya modumo wa mawatle le makhubu a a sa tlwaelesegang. 26Bopelo-kgale jwa batho ba le bantsi bo tlaa reketla ka ntlha ya tiragalo e ba e bonang e tla mo lefatsheng, gonne dinonofo tsa magodimo di tlaa thubaganngwa. 27Mme batho ba lefatshe ba tlaa mpona nna Mesia, ke tla mo lerung ka nonofo le kgalalelo e kgolo. 28Mme e tlaa re fa dilo tse tsotlhe di simologa go diragala, lo eme lo tlhamalale lo lebe kwa godimo! gonne poloko ya lona e gaufi.”

29Mme a ba fa setshwantsho se: “Lepang setlhare sa mofeige kgotsa setlhare sengwe fela. 30Fa matlhare a tlhoga, lo itse lo sa bolelelwa gore selemo se gaufi. 31Fela jalo fa lo bona ditiragalo tse ke di lo tlhaloseditseng di diragala lo tlhomamise gore bogosi jwa Modimo bo gaufi.

32“Ke lo tlhomamisetsa gore fa dilo tse di diragala, bokhutlo jwa motlha ono bo tlaa bo bo gorogile. 33Legodimo le lefatshe di tlaa feta, le fa go ntse jalo mafoko a me a eme mo boammaaruring ka bosakhutleng.

34
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 21:35.
35
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 21:34-35.
“Itiseng! Lo se letle gore go tla ga me ka tshoganetso go lo fitlhele lo sa ipaakanya. Ke se ka ka lo fitlhela lo iketlile mo boatleng, kgotsa mo medirong ya botlhapelwa, lo gapilwe ke matshwenyego a botshelo jo, jaaka mo lefatsheng lotlhe.
36Lo lebeleleng ka metlha yotlhe. Lo rapele gore e re fa go kgonega lo tle fa pele ga me lo ise lo bone dikhuduego tse.”

37
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 21:38.
38
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 21:37-38.
Letsatsi le letsatsi Jesu o ne a ya kwa Tempeleng go ya go ruta, mme bontsi jwa batho ba phuthega go sa le mo mosong go ya go mo reetsa. Mme mo maabanyaneng mangwe le mangwe o ne a tle a boele kwa Thoteng ya Lotlhware go ya go lala teng.
Copyright information for TsnLEF